Ela tlhoko: phetolelo ee ya setswana e tseerwe ka tlhamalalo semmuso go tswa mo kwalong ya Lefapha la Molao. Re re lemogile gore phetolelo ee e na le diphoso, mme re direla go fitlhelela phetolelo e ntsha e e botoka.
Please note: This Setswana translation is taken directly from the official Department of Justice edition. We are aware that it is not complete or always accurate (e.g. s6.23.2), and we are working towards a new, better translation.
Rona, batho ba Aforika Borwa,
Re itse ditshiamololo tsa rona tse di fetileng;
Re tlotla ba ba bogileng ka ntlha ya tshiamo le kgololosego mo lefatsheng la rona;
Re tlotla ba ba diretseng go aga le go tlhabolola naga ya rona; mme
Re dumela fa Aforika Borwa e le ya botlhe ba ba tshelang mo go yona, re le ngata e le nngwe ka go farologana.
Rona ka jalo, ka baemedi ba re ba itlhophetseng ka kgololosego, re amogela Molaotheo o jaaka Molao-Mogolo wa Rephaboliki gore re –
A Modimo a sireletse Setšhaba sa rona.
Nkosi Sikelel’ iAfrika.
Morena boloka setšhaba sa heso.
God seën Suid-Afrika.
God bless South Africa.
Mudzimu fhatutšhedza Afurika.
Hosi katekisa Afrika.