Ela tlhoko: phetolelo ee ya setswana e tseerwe ka tlhamalalo semmuso go tswa mo kwalong ya Lefapha la Molao. Re re lemogile gore phetolelo ee e na le diphoso, mme re direla go fitlhelela phetolelo e ntsha e e botoka.

Please note: This Setswana translation is taken directly from the official Department of Justice edition. We are aware that it is not complete or always accurate (e.g. s6.23.2), and we are working towards a new, better translation.

Kgaolo 3: Puso ya Tirisano (40-41)

40. Popego ya Rephaboliki

  1. Mo gare ga Rephaboliki, puso e tlhamilwe jaaka puso ya bosetšhaba, porofense, le ya selegae, tse di kgethegileng, thusanang le go golagana.
  2. Makala otlhe a puso a tshwanetse go obamela le go itepatepanya le moono wa Kgaolo eno, le go dira ditiro tsa tsona go ya ka metheo e e tlhalositsweng mo Kgaolong eno.

41. Meono ya tirisanommogo ya puso le dikamano tsa tlhakanelo-puso

  1. Makala otlhe a puso le ditheo tsotlhe tsa puso go lekala lengwe le lengwe a rshwanetse go –
    1. go mametlelela kagiso, kitlano ya bosetšhaba le kopano ya Rephaboliki;
    2. go boloka tshireletsego ya batho ba Rephaboliki;
    3. go tlamela ka puso e e manontlhotlho, mo pontsheng, e e na leng maikarabelo, le e e tsepameng mo Rephaboliki yotlhe;
    4. boikanyego go Molaotheo, Rephaboliki, le baagi ba naga;
    5. tlhompho ya maemo a molaotheo, ditheo, dithata le ditiro tsa puso mo makaleng a mangwe a puso;
    6. go se dirise thata epe kgotsa tiro ntle le tse e direboletsweng go ya ka Molaotheo;
    7. go dirisa maatla a tsona le go diragatsa ditiro tsa yona ka mokgwa o o sa ameng seriti sa tikologo, ditiro, kgotsa matla a setheo sa lekala le lengwe; le
    8. go dirisana mmogo ka mokgwa wa go tshepana le boikanyego ka go –
      1. go mametlelela dikamano tse di namatshang tsa botsalano;
      2. go thusana le go tshegetsana;
      3. go itsisesana , le go rerisana ka mabaka a dikgatlhegelo tse di maleba;
      4. go rulaganya mmogo ditiro tsa bona le molao; le
      5. go itepatepanya le tsamaiso e e dumetsweng; le
      6. go tila go tseelana dikgato tsa semolao.
  2. Molao wa Palamente o tshwanetse go -
    1. tlhoma kgotsa go tlamela makala le ditheo go tsweletsa le go mametlelela dikamano tsa puso; le
    2. go rulaganyetsa mekgwa le ditsela tsa go kgontsha tharabolo ya dikganetsano gareng ga puso.
  3. Setheo sa puso se se nang le kgotlhang le setheo se sengwe sa puso, se tshwanetse go dira ka bo jotlhe go rarabolola kgotlhang eo ka mekgwa le ditsela tse di rulaganyeditsweng lebaka leo, e bile se tshwanetse go dirisa mefuta yotlhe ya ditharabololo pele e dirisa kgotlatshekelo go rarabolola kgotlhang.
  4. Fa kgotlatshekelo e sa kgotsofala gore ditlhokego tsa karolotlaleletso (3) di diragaditswe, e ka busetsa kgotlhang eo morago go ditheo tsa puso tse di amegang.