Ela tlhoko: phetolelo ee ya setswana e tseerwe ka tlhamalalo semmuso go tswa mo kwalong ya Lefapha la Molao. Re re lemogile gore phetolelo ee e na le diphoso, mme re direla go fitlhelela phetolelo e ntsha e e botoka.

Please note: This Setswana translation is taken directly from the official Department of Justice edition. We are aware that it is not complete or always accurate (e.g. s6.23.2), and we are working towards a new, better translation.

Kgaolo 12: Baeteledipele ba Setso/Magosi (211-212)

211. Kamogelo

  1. Setheo, maemo le seabe sa dipuso tsa setso, go ya ka molao wa setso di amogelesegile, go ya ka Molaotheo.
  2. Bolaodi jwa taolo ya setso e e letlang tsamaiso ya molao wa setso, tsamaiso ya molao wa setso o ka dirisiwa go tsamaelana le molao mongwe le mongwe le meetlo e e akaretsang diphetogo go, kgotsa go phimolwa ga molao oo kgotsa meetlo.
  3. Dikgotlatshekelo di tshwanetse go dirisa molao wa setso fa molao oo, o amega, go tsamaelana le Molaotheo le molao mongwe le mongwe o o amang molao wa setso.

212. Seabe sa magosi

  1. Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go tlamela ka seabe sa boeteledipele jwa setso jaaka setheo sa lekala la puso ya selegae mo mererong e e amang baagi ba magae.
  2. Go dira ka merero e e amang bogosi, seabe sa magosi, molao wa setso le meetlo ya baagi ba magae ba ba dirisang meetlo ya molao wa setso –
    1. molao wa bosetšhaba kgotsa wa porofense o ka tlamela ka go tlhomiwa ga makgotla a boeteledipele jwa setso; ebile
    2. molao wa bosetšhaba o ka tlhoma Khansele ya baeteledipele ba setso.