Ela tlhoko: phetolelo ee ya setswana e tseerwe ka tlhamalalo semmuso go tswa mo kwalong ya Lefapha la Molao. Re re lemogile gore phetolelo ee e na le diphoso, mme re direla go fitlhelela phetolelo e ntsha e e botoka.

Please note: This Setswana translation is taken directly from the official Department of Justice edition. We are aware that it is not complete or always accurate (e.g. s6.23.2), and we are working towards a new, better translation.

Mametlelelo 1: Folaga ya Bosetšhaba

  1. Folaga ya bosetšhaba e khutlonnetsepa, e boleele jwa nngwe le seripa go feta bophara.
  2. E bontsho, bogauta, botala jwa tlhaga, bosweu, bokhibidu jwa tšhilisi le botala jwa loapi.
  3. E nale le banta le le tala la popego ya Y e e leng bophara jwa nngwe-tlhano ya fologa. Methalo e e fa gare ya banta e simolola mo dikhutlong tse di fa godimo le kwa tlase go bapa le seikokotlelo sa folaga, di kopanela fa gare ga folaga, e tswelele ka go rapalala go fitlha bogare-bofelo jwa karolo e e phaphalalang.
  4. Lebanta le letala, le tsentswe fa gare ke bosweu, kwa godimo le kwa tlase, mme go ya kwa seikokotlelong sa folaga, ke losi la gauta. Losi lengwe le lengwe lo bophara ba nngwe- sometlhano jwa folaga.
  5. Khutlotharo e e fa thoko ga seikokotlelo sa folaga e ntsho.
  6. Lebanta le le rapaletseng kwa godimo, le bokhibidu jwa tšhilisi, mme lebanta le le rapaletseng kwa tlase le botala jwa loapi. Bophara jwa lebanta lengwe le lengwe le bophara jwa nngwe-tharo ya fologa.

Black = Bontšho

Gold = Gauta

White = Botšhweu

Green = Botala

Red = Khibidu

Blue = Botala jwa loapi