Ela tlhoko: phetolelo ee ya setswana e tseerwe ka tlhamalalo semmuso go tswa mo kwalong ya Lefapha la Molao. Re re lemogile gore phetolelo ee e na le diphoso, mme re direla go fitlhelela phetolelo e ntsha e e botoka.
Please note: This Setswana translation is taken directly from the official Department of Justice edition. We are aware that it is not complete or always accurate (e.g. s6.23.2), and we are working towards a new, better translation.
Go kwadiwa bošwa ga ntlha ya 1, ka ntlha e e latelang:
- Makoko a a kwadisitsweng go ya ka molao wa bosetšhaba le kgaisano ya ditlhopho tsa Ntlokokoano Bosetšhaba e tla kgetha bontlhopheng mo boemong jwa ditlhopho tseo, go tsamaelana le naanetlhopho le le rulagantsweng go ya ka Mametlelelo e, le molao wa bosetšhaba.
Go kwadiwa bošwa ga ntlha ya 2, ka ntlha e e latelang:
- Palo ya ditokololo mo Ntlokokoano Bosetšhaba, jaaka go tlhomamisitswe go ya ka karolo 46 ya Molaotheo o mošwa, di tla nna palo e e latelang:
- Nngwe ya halofo ya palo ya manno, a tswa go lenaanepalo la dikgalo, a a rulagantsweng ke makoko a amegang, ka palo e e tlhomamisitsweng go emalaboloko jwa kgaolo nngwe le nngwe jaaka go rulagantswe ke Khomišeneboemong jwa ditlhopo tse di latelang tsa Ntlokokoano, go etswe tlhoko tshedimosetso ya batlhophi ya dipalopalo, le ditshwaelo tsa makoko a ana leng kgatlhego.
- halofo e nngwe ya manno e tlhopiwa go tswa go lenaanetlhopho la bosetšhaba le le rometsweng ke ke makoko a farologaneng, kgotsa go tswa go lenaanetlhopho la dikgaolo moo manaanetlhopho a bosetšhaba a neng a sa romelwa.
Kemisetso ya ntlhana 3, ka ntlhana e e latelang:
- Manaane a bontlhopheng a a rometsweng ke lekoko, ka kakaretso le tla kwadiwa maina a a sa feteng palo ya bontlhopheng e e lekanang le palo ya manno mo Ntlokokoano Bosetšhaba, mme lenaanetlhopho lengwe le lengwe le tla tlhagisa maina ka tatelano ya go ratega ga bona go ya ka tlhomamiso ya lekoko.
Tlhabololo ya ntlhana 5 ka go emisetsa mafoko a eteletseng temana(a) ka mafoko a a latelang:
- Bonno jo bo tlhalositsweng mo ntlha ya 2(a), di tla abiwa go ya ka dikgaolo go makoko a a gaisenelang ditlhopho ka mokgwa o o latelang:
ka go fetola mafoko a a fa pele ga temana (a) ka mafoko a a latelang:
- Bonno jo bo tlhalositsweng mo ntlheng ya 2(b) bo tla abelwa makoko a gaisanelang ditlhopho, jaana;
le
ka go kwala boemong jwa temana (a) temana e e latelang:
(a) Khouta ya diboutu tsa mannodi tla tlhomamisiwa ka go arola palogotlhe ya diboutu tse di amogetsweng naga ka bohara, tlhagisitsweng mo Ntlokokoano Bosetšhaba ka palo ya manno mo Ntlokokoanong bosetšhaba, e tlhakana le nngwe, le dipholo di tlhakanngwa le nngwe, go tlhokomologiwa dipalophatlo, e tla nna khouta ya diboutu ka bonno ka bonngwe.
Tlhabololo ya ntlhana 7(3) ka go emisetsa temana(b) ka temana e e latelang:
(b) Khouta e e tlhabolotsweng ya diboutu tsa bonno e tla tlhomamisiwa ka go aroganya palogotlhe ya diboutu tseo di dirilweng bosetšhaba, go ntshiwa palo ya diboutu tse di amogetsweng naga ka bophara boemong jwa lekoko le le tlhalositsweng mo temana (a) ka palo ya manno mo Ntlokokoano, go tlhakanngwa le nngwe, go tlosiwa palo ya manno a abetsweng lekoko le le tlhalositsweng mo temana (a).
Go kwadiwa bošwa ga ntlha ya 10 ka ntlha e e latelang:
- Palo ya manno mo kgotlapeomolao ya porofense e tla tlhomamisiwa go ya ka karolo 105 ya Molaotheo o mošwa.
Go kwadiwa bošwa ga ntlha ya 11 ka ntlha e e latelang:
- Makoko a kwadisitsweng go ya ka molao ya bosetšhaba, mme a gaisanela ditlhopho, tsa kgotlapeomolao ya porofense, di tla tlhophela kgotlapeomolao ya porofense bontlhopheng boemong jwa ditlhopho tseo, ka manaanetlhopho a porofense a a rulagantsweng go ya ka Mametlelelo eno le molao wa bosetšhaba.
Go kwadiwa bošwa ga ntlha ya 16 ka ntlha e e latelang:
16. Tlhomo ya baemedi
- Morago fa palo ya diboutu e se na go badiwa, palo ya baemedi ba lekoko lengwe le lengwe e tlhomamisitswe le dpholo tsa diitlhopho di itsisitswe go ya ka karolo 190 ya Molaotheo o mošwa, mo nakong ya matsatsi a mabedi,Mokhomišene morago ga tshwaelo, o tla tlhopa go tswa go lenaanetlhophola bontlhophen, le le phatlalditsweng go ya ka molao wa bosetšhaba,baemedi ba lekoko lengwe le lengwe mo Kgotlapeomolao.\
- Go ya ka taelo ya karolo (1) fa leina la ntlhopheng le tlhagelela mo manaane a fetang bongwe a Ntlokokoano Bosetšhaba kgotsa mo manaane a Ntlokokoano Bosetšhaba le a kgotlapeomolao ya porofense (fa ditlhopho tsa Ntlokokoano le tsa kgotlapeomolao ya porofense di tshwarwa ka nako e le nngwe) mme ntlhopheng oo, o tshwanelwa ke go nna moemedi mo lebakeng le le fetang bongwe, lekoko le le tlisitseng manaane ao, le tshwanetse gore mo nakong ya matsatsi a le mabedi morago ga tshwaelo eo, e tla tlholesetsa Mokhomišene lenaane leo ntlhopheng a tsayang tiro mo go lona kgotsa o kgotlapeomolao eo ntlhopheng a tla tsayang tiro mo go yona, jaaka go ka nna, mme leina la ntlhopheng o le tla phimolwa mo manaane a mangwe.\
- Khomišene e tla re kwa ntle ga tiego ya phasalatsa lenaane la maina a baemedi mo kgotlapeomolaong kgotsa mo dipalamenteng…
Tlhabololo ya ntlhana 18 ka go emisetsa temana (b) ka temana e e latelang:
(b) Moemedi o supiwa jaaka moemedi wa leruri mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense;
Kemisetso ya ntlhana 19 ka ntlhana e e latelang:
- Manaane a bontlhopheng a lekoko a a kailweng mo ntlhana 16(1) a ka tlaleletswa mo motlheng mongwe fela mo nakong nngwe le nngwe mo dikgweding tsa ntlha tse 12 tse di latelang letlha leo go tlhomilweng baemedi go ya ka ntlhana 16 le weditswe go tlatsa diphatlhatiro tsa nakwana; Fa fela tlaleletso ya go nna jalo e dirwa kwa bokhutlong jwa lenaane.
Kemisetso ya ntlhana 23 ka ntlhana e e latelang:
23. Diphatlhatiro
- Fa go na le phatlhatiro mo peomolaong e Mametlelelo e, e kayang, lekoko le le tlhophileng leloko le le tlogelang phatlhatiro, le tla tlatsa phatlhatiro ka go tlhopha motho –
- yo leina la gagwe le tlhagelelang mo lenaaneng la bontlhopheng leo leloko le le tlogelang tiro le neng le tlhophilwe go tswa mo go lona; le
- yo e leng ene a latelang, a nonofile e bile e le motho yo a leng teng mo lenaaneng.
- Tlhagiso ya go tlatsa phatlhatiro e tla isiwa kwa go Mmusakgotla e kwadilwe.
- Fa lekoko le le emetsweng mo peomolaong le tlhatlhamologa kgotsa le emisa go nna teng mme le maloko a lona a tlogela manno go ya ka karolo 23A(1) Manno a a amegang a tla abelwa makoko a a setseng ka tekatekano ya boemedi, jaaka e kete manno ao ke a a tlogetsweng go ya ka temana 7 kgotsa 14, go laola gore ke lebaka lefe.
Go tsenngwa ga ntlhana e e latelang morago ga ntlhana 23:
23A. Mabaka a tlaleletso a go latlhegelwa ke botokololo jwa dikgotlapeomolao
- Motho o latlhegelwa ke botokololo ba peomolao eo Mametlelelo e e dirang mo go yona, fa motho yoo a emisa go nna leloko la lekoko leo le mo tlhophileng jaaka leloko la peomolao.
- Lekoko lengwe le lengwe la Sepolotiki le ka fetola leina la lona mo nakong nngwe le nngwe le sa thibelelwe ke ntlhana(1).
- Molao wa Palamente, mo nakong e e isegang ya go tsenngwa tirisong ga Molaotheo o mošwa o ka fetisiwa go ya ka karolo 76(1) go tlhabolola ntlhana e le 23 go neela mokgwa o ka ona go kgonagalang gore leloko la peomolao leo le latlhegelwang ke botokololo jwa lekoko le le mo tlhophileng, le tswelele go tshola botokololo jwa peomolao ya go nna jalo.
- Molao wa Palamente o o kailweng mo ntlhana(3) o ka neela –
- lekoko lengwe le lengwe le le leng teng go kopana le lekoko le lengwe; kgotsa
- lekoko lengwe le lengwe go kgaogana mo makokong a a fetang bongwe.
ka go emisetsa tlhaloso ya “Khomišene” ka tlhaloso e e latelang:
‘Khomišene’ e raya/kaya Khomišene ya Ditlhopho e e kailweng mo karolong 190 ya Molaotheo o mošwa;
le
go tsenya tlhaloso e e latelang morago ga tlhaloso ya “lenaane la bosetšhaba”:
‘Molaotheo o mošwa’ o raya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa 1996;