Ela tlhoko: phetolelo ee ya setswana e tseerwe ka tlhamalalo semmuso go tswa mo kwalong ya Lefapha la Molao. Re re lemogile gore phetolelo ee e na le diphoso, mme re direla go fitlhelela phetolelo e ntsha e e botoka.

Please note: This Setswana translation is taken directly from the official Department of Justice edition. We are aware that it is not complete or always accurate (e.g. s6.23.2), and we are working towards a new, better translation.

Tlaleletso B: Puso-tshwaraganelo ya Botsetšhaba: Lekala la Bosetšhaba

  1. Karolo 84 ya Molaotheo o mošwa e tseelwa go nna le dikarolotlaleletso tsa tlaleletso tse di latelang:

    1. Moporesidente o tshwanetse go rerisana le Batlatsabaporesidente ba khuduthamaga:
      1. go ntshetsapele tlhabololo le tiragatso ya dipholisi tsa puso ya bosetšhaba;
      2. mo mererong yotlhe e e amang taolo ya Kabinete le tiragatso ya ditiro tsa Kabinete;
      3. mo tiragatsong ya ditiro tsa Batlatsabaporesidente ba Khuduthamaga;
      4. pele go thapiwa go ya Molaotheo kgotsa molao mongwele mongwe, go akarediwa le go thapiwa ga baemedipharaphare kgotsa baemedi babusisi;
      5. pele go tlhophiwa dikhomišene tsa dipatlisiso;
      6. pele a dira kgoeletso ya referantamo;
      7. pele a itshwarela kgotsa a emisa kotlhao ya basenyi.
  2. Karolo 89 ya Molaotheo o mošwa e e tseelwa go nna le dikarolotlaleletso tsa tlaleletso tse di latelang:

    1. Dikarolwana(1) le (2) di akaretsa le Motlatsa-Poresidente wa Khuduthamaga
  3. Temana (a) ya karolo 90(1) ya Molaotheo o mošwa e tshwanetse buisega jaana:

    (a) Motlatsa-Moporesidente wa Khuduthamaga yo o tlhomilweng ke Moporesidente;

  4. Karolo 91 ya Molaotheo o mošwa e tshwanetse go buisega jaana;

    91. Kabinete

    1. Kabinete e bopiwa ke Moporesidente, Batlatsa-BaPoresidente ba Khuduthamaga le –
      1. Ditona tse di sa feteng 27 mme e le maloko a Ntlokokoano Bosetšhaba a a tlhophilweng go ya ka karolotlaleletso (8) go fitlha (12);le
      2. Eseng go feta Tona e nosi, e e seng leloko la maloko a 175 a Ntlokokoano Bosetšhaba mme le tlhophilwe go ya ka karolotlaleletso (13), fa fela Moporesidente ka ditherisano le Batlatsa-BaPoresidente ba Khuduthamaga le baeteledipele ba makoko a a tsayang karolo, ba bona go le botlhokwa gore Tona eo, e lthopiwe ka bonako.
    2. Lekoko lengwe le lengwe le le nang le manno bonnye a le 80 mo Ntlokokoano Bosetšhaba le na le tumelelo ya go kgetha Motlatsa-Moporesidente wa khuduthamaga mo gare ga ditokololo tsa Ntlokokoano.
    3. Fa go se lekoko kgotsa lekoko le le lengwe fela le na le manno a le 80 kgotsa go feta, mo Ntlokokoano, lekoko le le nnang le manno a mantsi go gaisa, le lekoko le le nang le palo ya bobedi e e kwa godimo ya manno, makoko ao ka bobedi a tshwanetse go tlhopa Motlatsa-Moporesidente wa Khuduthamaga mo ditokololong tsa Ntlokokoano.
    4. Fa Motlatsa-Moporesidente wa Khuduthamaga a se na go tlhophiwa, a ka ikgethela go nna dula entse e le leloko la Ntlokokoano kgotsa go tlogela go nna leloko la Ntlokokoano.
    5. Motlatsa-Moporesidente wa Khuduthamaga, a ka diragatsa dithata le go dira ditiro tseo di neetsweng kantoro ya Motlatsa-Moporesidente wa Khuduthamaga ke Molaotheo kgotsa Moporesidente.
    6. Motlatsa-Moporesidente wa khuduthamaga o tshwara marapo –
      1. go fitlha 30 Moranang 1999 ntle le fa a ka belesediwa kgotsa a tlosiwa ke lekoko le le maleba go ya ka mabaka a karolotlaleletso (2)le(3); kgotsa
      2. go fitlha motho yo o tlhophilweng jaaka Moporesidente morago ga tlhopho ngwe le ngwe ya Ntlokokoano Bosetšhaba e e dirilweng pele ga 30 Moranang 1999, a simolola tiro.
    7. Phatlhatiro mo kantorong ya Motlatsa-Moporesidente wa Khuduthamaga e ka tladiwa ke lekoko le le tlhopileng Motlatsa-Moporesidente yoo.
    8. Lekoko le le nang le bonnye manno ale 20 mo Ntlokokoano Bosetšhaba e bile le dirile tshwetso ya go tsaya karologo puso ya bosetšhaba ya tshwaraganelo, le tshwanelwa ya go abelwa maemo le le nosi kgotsa go fetsa la Kabinete ya lefapha, go ya ka mokgwa o go tlhophiwang Ditona ka wona go ya karolotlaleletso (1)(a) go tsamaelana le selekanyo sa palo ya manno a sona mo Ntlokokoano Bosetšhaba, go tsamaelana le palo ya manno a makoko a mangwe a a tsayang karolo.
    9. Mafapha a Kabinete a tshwanelwa ke go abelwa makoko a a tsayang karolo go ya ka sekaelo se se latelang:
      1. Khouta ya manno go ya ka lefapha e tshwanetse go laolwa ka go aroganya palogotlhe ya manno mo Ntlokokoano Bosetšhaba ao a kopanetsweng ke makoko a a tsayang karolo ka palo ya mafapha go tsamaelana le go tlhophiwa ga Ditona tse di umakilweng mo karolotlaleletso (1)(a), go tlhakangwa le lenngwe.
      2. Dipholo, tse di sa kgaphelang thoko palo ya boraro le palo e e latelang, fa di le teng, ke khouta ya manno a lefapha.
      3. Palo ya mafapha a tshwanetseng go abelwa lekoko le le tsayang karolo le tlhomamiswa ka go arola palogotlhe ya manno a lekoko leo mo Ntlokokoano Bosetšhaba ka khoutha e e tlhalosistweng mo temaneng ya (b).
      4. Dipholo, go ya ka temana (e),di kaya palo ya mafapha a a tshwanetseng go abelwa lekoko leo.
      5. Fa tiragatso ya selekano se se fa godimo se tlhagiso kokeletso e e sa balelweng mo palong ya mafapha a abetsweng lekoko, kokeletso eo, e tla gaisana le dikokeletso tse dingwe tse di tshwanang tse di kokoantsweng fa lekoko lengwe kgotsa makoko mangwe, mme lefapha lengwe le lengwe kgotsa mafapha mangwe le mangwe a a salang a sa abiwa a tshwanetse go abelwa lekoko kgotsa makoko a a amegang ka tatelano ya dipalo tsa kokeletso e e kwa godimodimo.
    10. Morago ga therisano le Batlatsabaporesidente ba Khuduthamaga le baeteledipele ba makoko a a tsayang karolo, Poresidente o tshwanetse go –
      1. tlhomamisa mafapha ka totobalo a a tshwanetseng go abelwa makoko a tsayang karolo ka go farologana, go ya ka palo ya mafapha go tsamaelana le ditaelo tsa karolotlaleletso (9);
      2. tlhopa boemong jwa leloko lengwe le lengwe la Ntlokokoano Bosetšhaba leo, e leng leloko la lekoko la lefapha leo, le le abetsweng go ya ka temana (a), jaaka Tona e e rweleng maikarabelo a lefapha leo;
      3. Fa go bonagala go le botlhokwa, go ya ka mabaka a Molaotheo, kgotsa dikgatlhagelo tsa taolo ya puso ka manontlhotlho, di sa tsamaelane le tlhomamiso ya temana (a) go tsamaelana le karolotlaleletso (9);
      4. go fedisa go tlhopho nngwe le nngwe ka fa tlase ga temana (b) –
        1. fa Moporesidente a kopiwa go dira jalo ke moeteledipele wa lekoko leo leloko la Lekgotla la Khuduthamaga le amegang e leng leloko la lona; kgotsa
        2. fa go tlhokega mo mabakeng a Molaotheo kgotsa mo kgatlhegong ya Puso e e lolameng; kgotsa
      5. go tlatsa, fa go tlhokega, ka taolo ya tema(b), phatlhatiro mo ofising ya Tona.
    11. Karolwana (10) e tshwanetse go diragatswa ka mowa o o akarediwang mo kakanyong ya puso ya tshwaraganelo ya bosetšhaba, mme Moporesidente le ba ba amegang ba tshwanetse ba batla go fitlhelela ditumelelano ka nako tsotlhe mo tirisong ya karolwana eo: ntle le fa ditumelelano di sa kgone go fitlhelelwe mo –
      1. go diriseng thata e e tlhalositsweng mo temaneng ya (a), (c) kgotsa (d)(ii) ya karolotlaleletso eo, tshwetso ya Moporesidente e tla nna tshwetso ya bofelo;
      2. go diriseng thata e e tlhalositsweng mo temaneng ya (b),(d)(i) kgotsa (e) ya karolotlaleletso eo, e ama motho yo e seng leloko la lekoko la Moporesidente, tshwetso ya moeteledipele wa lekoko leo motho yoo e leng leloko la lona e tla nna tshwetso ya bofelo; le
      3. go diriseng thata e e tlhalositsweng mo temaneng ya (b) kgotsa (e) ya karolotlaleletso eo e amang motho yo e leng leloko la lekoko la Moporesidente, tshwetso ya Moporesidente e tla nna lefoko la bofelo.
    12. Fa tlhomamiso nngwe ya dikabo tsa mafapha e fetolwa mo karolwaneng (10)(c) Ditona tse di amegang di tshwanetse go tlogela mafapha a bona, mme ba na le go ka thapiwa gape mo mafapheng a mangwe a a abetsweng makoko a a farologaneng a bona go ya ka tlhomamiso e e fetotsweng.
    13. Poresidente –
      1. ka therisano le Batlatsa-Poresidente ba Khuduthamaga le baeteledipele ba makoko a a tsayang karolo o tshwanetse –
        1. go tlhoma lefapha le le rileng la Tona e e kailweng mo karolwaneng (1)(b) fa go ka tlhokega;
        2. go thapa go ya ka lefapha leo, motho yo e seng leloko la Kokoano ya Bosetšhaba, jaaka Tona e e nang le maikarabelo a lefapha leo; le
        3. go tlatsa, fa go tlhokega, phatlhatiro go ya ka lefapha leo; kgotsa
      2. morago ga therisano le Batlatsa-Poresidente ba Khuduthamaga le baeteledipele ba makoko a a tsayang karolo, o tshwanetse go fedisa thapo nngwe le nngwe go ya ka temana (a) fa go ka nna botlhokwa mo mabakeng a Molaotheo kgotsa mo kgatlhegong ya puso e e siameng.
    14. Dikopano tsa kabinete di tshwanetse tsa tshwarwa marapo ke Moporesidente, kgotsa ke Motlatsa-Moporesidente wa Khuduthamaga fa Moporesidente a laela jalo. Fa fela Batlatsa-Poresidente ba Khuduthamaga ba tshwara marapo mo dikopanong tsa Kabinete ka go refosana ntle le fa go na le ditlhokego tsa potlako tsa puso le fa mowa wa kopano ya bosetšhaba o tlhoka jalo.
    15. Kabinete e tshwanelwa ke go dira ka mokgwa o o tla nayang tshiamisetso go mowa wa tirisano mmogo o akarediwang mo pusong ya tshwaraganelo ya bosetšhaba le fela jaaka tlhokego ya puso e e nang le bokgoni.
  5. Karolo 93 ya Molaotheo o mošwa e tshwanetse go buisega jaana:

    93. Go thapiwa ga Batlatsa-Baporesidente

    1. Moporesidente morago ga buisana le Batlatsa-Baporesidente ba Khuduthamaga le baeteledipele ba makoko a tsayang karolo mo Kabineteng, a ka rebola diphatlhatiro tsa Batlatsa-Baporesidente.
    2. Lekoko le na le tshiamelo ya go abelwa phatlha ya Motlatsa- Moporesidente e le nngwe kgotsa go feta go ya ka tekanyo e mafapha a Kabinete a abiwang ka yona.
    3. Dikaelo tsa karolo 90 (10) go fitlha (12) di a dira, ka diphetogo tse di tlhokegang go Batlatsaditona, mme mo tiragatsong ya go nna jalo, taelo ya karolo eo go Tona kgotsa lefapha e tshwanetse go buisiwa jaaka taelo go Motlatsa-Moporesidente kgotsa phatla ya Botlatsa-Moporesidente ka go tshwana.
    4. Fa motho a thapiwa jaaka Motlatsa-Moporesidente wa lefapha lengwe le lengwe leo le leng ka fa tlase ga tlhokomelo ya Tona –
      1. Motlatsa-Moporesidente yoo, o tshwanetse go diragatsa le go dira mo boemong ba Tona e e maleba dithata dingwe le dingwe le ditiro tse di neetsweng Tona eo go ya ka peomolao nngwe le nngwe kgotsa ka ditaelo tsa Poresidente tseo di neetsweng Motlatsatona yoo ke Tona eo; le
      2. go umakiwa gongwe le gongwe mo peomolaong nngwe le nngwe ga Tona eo, go tshwanelwa go tlhaloganyega jaaka go akaretsa go umakiwa ga Motlatsa Tona yo o diragatsang ditiro go ya ka ditaelo tsa temana (a) ke Tona yo Motlatsa- Moporesidente yoo a dirang boemong jwa gagwe.
    5. Fa Motlatsa-Moporesidente a se teng kgotsa ka mabaka a a rileng a sa kgone go diragatsa nngwe ya dithata kgotsa ditiro tsa ofisi ya gagwe, Moporesidente a ka thapa Motlatsa-Moporesidente mongwe kgotsa motho mongwe go dira mo maemong a Motlatsa-Moporesidente o o kaiwang, e ka nna go dira ka kakaretso kgotsa go dira thata kgotsa tiro nngwe e e kgethegileng.
  6. Karolo 96 ya Molaotheo o mošwa e tshwanetse go nna le dikarolotlaleletso tsa tlaleletso tse di latelang:

    1. Ditona di ikarabela ka bongwe go Moporesidente le mo Ntlokokoano Bosetšhaba mo tsamaisong ya mafapha a bona, mme maloko otlhe a Kabinete a na le maikarabelo a a kopanetsweng mo tiragatsong ya ditiro tsa puso ya bosetšhaba le maikemisetso a yona.
    2. Ditona di tshwanetse go tsamaisa mafapha a bona go ya ka maikemisetso a a tlhomamisitsweng ke Kabinete.
    3. Fa Tona e palelwa ke go tsamaisa lefapha go ya ka maikemisetso a a tlhomamisitsweng ke Kabinete, Moporesidente a ka batla gore Tona e e amegang, go ya ka tsamaiso ya lefapha le maikemisetso a lona.
    4. Fa tona e e amegang e palelwa go inaakanya le se se batlwang ke Poresidente mo tlase ga karolotlaleletso (5), Moporesidente a ka tlosa Tona mo ofising –
      1. fa e le Tona, e e tlhalositsweng mo karolo 91(1)(a), morago ga dipuisano le Tona gape, fa Tona e se tokololo ya lekoko la ga Poresidente kgotsa ese moeteledipele wa lekoko le le tsayang karolo, le gona morago gatherisano le moeteledipele wa lekoko la Tona eo; kgotsa
      2. fa e le Tona e e tlhslositsweng mo karolo 91(1)(b), morago ga therisano le Batlatsa Moporesidente ba Khuduthamaga le baeteledipele ba makoko a a tsayang karolo.