Ela tlhoko: phetolelo ee ya setswana e tseerwe ka tlhamalalo semmuso go tswa mo kwalong ya Lefapha la Molao. Re re lemogile gore phetolelo ee e na le diphoso, mme re direla go fitlhelela phetolelo e ntsha e e botoka.

Please note: This Setswana translation is taken directly from the official Department of Justice edition. We are aware that it is not complete or always accurate (e.g. s6.23.2), and we are working towards a new, better translation.

Tlaleletso C: Puso tshwaraganelo ya Bosetšhaba: Lekala la Porofense

  1. Karolo 132 ya Molaotheo o mošwa e tshwanetse go buisega jaana:

    132. Dikhansele tsa Khuduthamaga

    1. Dikhuduthamaga tsa Porofense di bopiwa ke Tonakgolo, le maloko a a sa feteng 10, a a supilweng ke Tonakgolo go ya ka karolwana e.
    2. Lekoko leo le nang le maloko a a ka nnang diperesente tse 10 tsa manno mo peomolaong ya Porofense le tsere tshwetso ya go tsaya karolo mo pusong ya bosetšhaba ya kopanelo, le tshwanelwa go abelwa lefapha le le lengwe kgotsa go feta mo Khanseleng ya Khuduthamaga go lekana le palo ya manno a le a tshotseng mo lekgotlapeomolao go lekanalekana le palo ya manno a a tshotsweng ke makoko a mangwe a a tsayang karolo.
    3. Mafapha a Lekgotla la Khuduthamaga a tshwanelwa ke go abelwa makoko a a farologaneng a a tsayang karolo go ya ka kaelo e e neetsweng mo karolong 91 (9) le mo go diragatseng taelo eo, taelo mo karolo eo, go –
      1. kabinete, e tshwanetse go buisiwa jaaka taelo go Kgotla Khuduthamaga;
      2. Tona, e tshwanetse go buisiwa aaka taelo go Kgotla Khuduthamaga; le
      3. Ntlokokoano Bosetšhaba e tshwanetse go tsewa jaaka taelo ya kgotlapeomolao ya porofense.
    4. Tonakgolo ya Porofense morago ga dipuisano le baeteledipele ba makoko a a tsayang karolo o tshwanetse –
      1. go tlhomamisa mafapha a a tsepameng go abelwa makoko a farologaneng a a tsayang karolo go ya ka palo ya mafapha a abetsweng go ya ka karolotlaleletso (3);
      2. go thapa boemong jwa lefapha lengwe le lengwe, tokololo ya Kgotlapeomolao ya porofense, yo e leng tokololo ya lekoko leo lefapha leo le le abetsweng go ya ka temana(a) jaaka tokololo ya Lekgotla Khuduthamaga e e rweleng maikarabelo a lefapha leo;
      3. fa go le botlhokwa go tsamaelana le mabaka a Molaotheo, kgotsa mo kgatlhegong ya puso e manontlhotlho kgotsa phetolo ya tlhomamiso ngwe le ngwe go tsamaelana le temana (a)go ya ka karolotlaleletso (3);
      4. go fedisa kgetho nngwe le nngwe e e mo temaneng ya (b) –
        1. fa Tonakgolo a kopiwa go dira jalo ke moeteledipele wa lekoko leo tokololo ya Kgotla Khuduthamaga ya go nna jalo e leng leloko; kgotsa
        2. fa go le botlhokwa go tsamaelana le mabaka a Molaotheo kgotsa mo dikgatlhegong tsa puso e e manontlhotlho; kgotsa
      5. go tlatsa phatlhatiro mo kantorong ya tokololo ya kgotla Khuduthamaga, fa go tlhokega, go ya ka temana (b).
    5. Karolotlaleletso (4) e tshwanetse go diragatswa ka mowa wa go matlafatsa puso ya tshwaraganelo ya bosetšhaba, mme Tonakgolo le ba ba amegang ba tshwanetse go batla go fitlhelela ditumelelano ka nako tsotlhe mo tiragatsong ya karolotlaleletso eo: ntle le fa ditumelelano di sa fitlhelelwe mo –
      1. go diriseng thata e e tlhalositsweng mo temaneng ya (a),(c) kgotsa (d)(ii) ya karolotlaleletso eo, tshwetso ya Tonakgolo ke yona e dirang;
      2. go diriseng thata e e tlhalositsweng mo temaneng ya (b),(d)(i) kgotsa (e) ya karolotlaleletso eo, e ama motho yo e seng leloko la lekoko la Tonakgolo, tshwetso ya moeteledipele wa lekoko leo motho yoo e leng leloko la yona e tla nna lefoko la bofelo; le
      3. go diriseng thata e e tlhalositsweng mo temaneng ya (b) kgotsa (e) ya karolotlaleletso e amang motho yo e leng leloko la lekoko la Tonakgolo, tshwetso ya Tonakgolo e tla nna lefoko la bofelo.
    6. Fa kaelo nngwe le nngwe ya kabelo ya mafapha e fetolwa mo karolotlaleletso (4) (c), ditokololo tse di amegang di tshwanetse go tlogela mafapha a bona mme ba na le go ka thaphiwa, fa go le maleba, gape mo mafapheng a mangwe a a abetsweng makoko a farologaneng a bona go ya ka mabaka a dikabo ka go farologana.
    7. Dikopano tsa Kgotla Khuduthamaga di tshwanetse go okamiwa ke Tonakgolo ya Porofense.
    8. Kgotla Khuduthamaga e tshwanelwa ke go dira ka mokgwa o o tla nayang tshiamisetso go mowa wa tirisanommogo o akarediwang mo pusong ya tshwaraganelo ya bosetšhaba le fela jaaka tlhokego ya puso e e nang le bokgoni.
  2. Karolo 136 ya Molaotheo o mošwa e tshwanetse go nna le dikarolwana tsa tlaleletso tse di latelang:

    1. Ditokololo tsa Makgotla Khuduthamaga di na le maikarabelo ka bongwe ka bongwe go Tonakgolo le go kgotlapeomolao ka tsamaiso ya mafapha a bona, mme ditokololo tsotlhe tsa Kgotla Khuduthamaga ka tsamaelano ba na le maikarabelo ka bojotlhe ka tiragatso ya ditiro tsa puso ya porofense le maikemisetso a yona.
    2. Ditokololo tsa Makgotla Khuduthamaga di tshwanetse go tsamaisa mafapha a bona go ya ka maikaelelo a a tlhomamisitsweng ke Kgotla Khuduthamaga.
    3. Fa tokololo ya Khuduthamaga e palelwa ke go tsamaisa lefapha go ya ka maikaelelo a Khuduthamaga, Tonakgolo a ka lopa tokololo e e amegang go lere tsamaiso ya lefapha mo tsamaelanong le maikaelelo a.
    4. Fa tokololo e e amegang e palelwa ke go inaakanya le ditlhokego tsa Tonakgolo mo karolwaneng(5), Tonakgolo a ka tlosa tokololo eo mo tirong morago ga go rerisana le yona, le fa tokololo e se tokololo ya lekoko la Tonakgolo kgotsa e se moeteledipele wa lekoko le le tsayang karolo, le morago ga go rerisana le moeteledipele wa lekoko la tokololo eo.